Amapiano

Amapiano ke lefoko la seXhosa le le rayang Piano, Amapiano ke mofuta wa mmino wa house o o simolotseng ko Aforika Borwa[1] ka ngwaga ya 2012.[2] Ke motswako wa mmino wa deep house, jazz, mme tota le mmino wa lounge o o kopantsitsweng ka mekhgwa e entle. E farologanngwa ka melodi ya piano ya modumo o leng kwa godimo, le di tshipi tsa mmino wa kwaito, mme gape e farologanngwa ke modumo o wa kwa tlase wa mmino wa house wa di ngwaga tsa bo 90s ko lefatsheng la Aforika Borwa, le meropa e e tswang mo mofuteng o mongwe wa selegae o o itsegeng jaaka Bacardi.

  1. "The Yanos Plug: Amapiano to The World". The Yanos Plug. Retrieved 2021-10-29.
  2. "Amapiano - what it's all about?". musicinafrica.net. Retrieved 2021-01-30.

© MMXXIII Rich X Search. We shall prevail. All rights reserved. Rich X Search